Matthew 10

Jesu o roma barutwa ba gagwe

1Jesu a ipiletsa barutwa ba ba lesome le bobedi, mme a ba naya taolo go kgoromeletsa mewa e e maswe ntle le go fodisa malwetse mangwe le mangwe le dipobolo.

2Maina a barutwa ba gagwe ba ba lesome le bobedi ke a; Simone yo o bidiwang Petere, Anderea monnaa Petere; Jakobe morwa Sebede, Johane monnaa Jakobe, 3Filipo, Baretholomica, Thomase, Mathaio wa mokgethisi, Jakobe morwa Alefaio, Thadaeo,

4Simone (leloko la “diganka” tsa mokgatlho wa dipolotiki o o neng o batla go diga puso), Judase Isekariota yo o neng a mo oka.

5Jesu o ne a ba roma ka ditaelo tse; “Se yeng kwa go Badichaba kgotsa Basamaria, 6mme yang fela kwa bathung ba Iseraela; dinku tsa Modimo tse di latlhegileng. 7Tsamayang lo anamise mo go bone gore Bogosi jwa legodimo bo atametse.

8“Fodisang ba ba lwalang, tsosang baswi, fodisang balepero, lo bo lo kgoromeletse mewa e e maswe kwa ntle. Nayang fela jaaka lo amogetse fela.

9“Se tseyeng madi mo dipateng fa lo tsamaya; 10lo se ka lwa tsaya le fa e le kgetsi ya diaparo e na le diaparo tse dingwe le ditlhako, le fa e le seikokotlelo, gonne ba lo ba thusang ba tshwanetse go lo otla le go lo tlhokomela. 11Nako le nako fa lo tsena mo motseng le mo metsaneng, senkang motho yo o boifang Modimo lo nne mo legaeng la gagwe go fitlhelela lo tswela kwa motseng o mongwe. 12Fa lo kopa tetlelelo ya go nna, nnang botsalano le batho. 13Mme fa le itshupa e le legae la SeModimo, le segofatseng, fa go sa nna jalo, nnang ka tshegofatso ya lona. 14Motse mongwe le mongwe kgotsa legac le le sa lo amogeleng sentle, lo itlhotlhore lorole lwa lefelo leo mo dinaong tsa lona fa lo tsamaya. 15Ammaaruri, metse e e maswe ya Sodoma le Gomora e tlaa nna botoka bogolo go metse eo ka Letsatsi la Katlholo.

Jesu o roma barutwa ba gagwe

16“Ke lo roma jaaka dinku mo gare ga diphiri. Nnang botlhale jaaka dinoga le bori jaaka maphoi. 17Mme itlhokomeleng! Gonne lo tlaa tshwarwa, lo sekisiwa lo kgwathisiwa mo matlung a thuto.

18“Ee, lo tshwanetse go emela tshekiso fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya me. Mo go tlaa lo neela lobaka lwa go ba bolelela ka ga me, ee, go supegetsa lefatshe.

19“Fa lo tshwarwa, se tshwenyegeng gore lo tlaa reng mo tshekong, gonne lo tlaa newa mafoko a a tshwanetseng ka nako e e tshwanetseng. 20Gonne e tlaa bo e se lona ba lo buang; e tlaa bo e le Mowa wa ga Rraeno wa legodimo o bua ka lona.

21“Motho o tlaa okela morwa rraagwe losung, mme borabana ba tlaa oka bana ba bone. Mme bana ba tlaa tsogologela batsadi ba bone ba ba neela losung. 22Mongwe le mongwe o tlaa lo ila ka ntlha ya gore lo ba me. Mme lotlhe ba lo itshokang go ya bokhutlong lo tlaa bolokwa.

23“Fa lo bogisiwa mo motseng mongwe, tshabelang kwa go o mongwe! Ke tlaa boa pele ga lo tsena mo go yone yotlhe! 24Morutwana ga a mogolo go feta moruti wa gagwe. Motlhanka ga a mogolo go mong wa gagwe. 25Morutwana o tshwanetse go gata mo dikgatong tsa yo o mo rutang, motlhanka a latele mong wa gagwe. Mme fa ba reile nna mong wa ntlo lona jaanong go tlaa nna jang!

Jesu o kgothatsa barutwa ba gagwe

26“Mme lo se ka lwa boifa ba ba lo bopelang. Gonne nako e e tla e boammaaruri bo tlaa senolwang ka yone: merero ya bone ya sephiri e tlaa itsiwe ke batho botlhe. 27Se ke se lo bolelelang mo lefifing jaanong jaana, se phatlalatseng kgakala fa bosigo bo o sa! Se ke se sebelang mo ditsebeng tsa lona, se phatlalatseng lo le mo ditlhoeng tsa matlo!

28“Se boifeng ba ba ka bolayang mebele ya lona fela; mme ba ka seka ba ama mewa ya lona! Boifang Modimo fela o o nonofileng go ka nyeletsa mowa le mmele mo moleting. 29Ga go thaga (kana di ja bokae? A di ja thebe di le pedi?) e e welang fa fatshe Rraeno wa Legodimo a sa itse. 30Mme le e leng meriri ya ditlhogo tsa lona tota e badilwe yotlhe. 31Ke gone se tshwenyegeng! Lona lo botlhokwa thata mo Modimong go feta dithaga tse dintsi.

32“Fa mongwe fela a mpolela mo mpepeneneng e le tsala yame ke tlaa mmolela ele tsala yame fa pele ga ga Rre yo o kwa legodimong. 33Mme fa mongwe a intatola mo mpepeneneng, ke tlaa mo itatola mo mpepeneneng fa pele ga ga Rre yo o kwa Legodimong.

34“Se gopoleng gore ke tletse go lere kagiso mo lefatsheng! Nnyaa fa e se chaka. 35Ke tletse go lotlhanya motho le rraagwe, mosetsana le mmaagwe, ngwetsi le matsalaa yone.

36“Bana ba motho ba ba maswe go fetisa selekanyo ba tlaa bo ba le mo ntlung ya gagwe tota. 37Fa o rata rrago le mmago go gaisa jaaka o nthata, ga o a tshwanela go nna wa me; kgotsa fa o rata morwao kgotsa morwadio go mpheta, ga o a tshwanela go nna wa me. 38Fa o gana go itshikarela mokgoro o ntshala morago, ga o a tshwanela go nna wa me. 39Fa o ngaparela botshelo jwa gago, bo tlaa go latlhegela, mme yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe ka ntlha ya me, o tlaa bo boloka.

40“Ba ba lo tsholang ‘sentle ba tshola nna. Mme fa ba ntshola ba tshola Modimo oo nthomileng’. 41Fa lo tshola moporofiti ka ntlha ya gore ke monna wa Modimo, lo tlaa newa tuelo e moporofiti o e bonang. Mme fa lo amogela batho ba ba siameng, ba ba boifang Modimo ka ntlha ya boModimo jwa bone, lo tlaa newa tuelo e e tshwanang le ya bone. 42Mme fa lo siela ngwanyana kopi ya metse a a tsididi lo le baemedi ba me, ruri lo tlaa duelwa.”
Copyright information for TsnLEF